“E tlaa re koko e tona e ise e lele gompieno, o tlaa bo o - TopicsExpress



          

“E tlaa re koko e tona e ise e lele gompieno, o tlaa bo o intatotse gararo.” #Luke 22:56-62 Mme lelata lengwe ya re le bona Petere a dutse fa molelong, a mo leba thata a re: “Monna yo le ene o ne a nna nae.” Mme a itatola a re: “Mosadi, ga ke mo itse.” Ga feta lobakanyana, mme yo mongwe le ene a mmona a re: “Le wena o mongwe wa bone.” Mme Petere a re: “Monna, ga se nna.” Ga feta lobaka e ka ne e le lwa nako e le nngwe fela, mme yo mongwe a tlhomamisa thata a re: “Ammaruri, monna yo le ene o ne a nna nae; ka e le Mogalilea.” Petere a re: “Monna, ga ke itse se o se buang.” Fela ka bonako a sa ntse a bua, koko e tona ya lela. Mme Morena a retologa, a leba Petere. Mme Petere a gakologelwa lefoko la Morena, jaaka a mo reile a re: “E tlaa re koko e tona e ise e lele gompieno, o tlaa bo o intatotse gararo.” Mme Petere a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko. MODIMO RARA, NKUTLWELE BOTLHOKO; O TOTISE TUMELO YA ME; O BOPE PELO E E ITSHEKILENG MO GO NNA; MME KE NNE MOTLHANKA YO O IKANYEGANG, GO FITLHA MO SEBAKENG SA GO TLA GA MORENA. KE A RAPELA, KA INA LA GA JESU. Amen.
Posted on: Mon, 05 Aug 2013 17:30:46 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015