BORESETSE: Go bonala kgotlang ya Lekoko la ANC le semphato sa - TopicsExpress



          

BORESETSE: Go bonala kgotlang ya Lekoko la ANC le semphato sa lekoko la Democratic Alliance, DA kwa Mmasepaleng wa Tlokwe kwa Potchefstroom mono profenseng ya NorthWest - e le kgakala le go fela. ANC e latofatsa Mmasepala wa kwa Tlokwe ka gore o retelelwa ke go bitsa dikopano tse di akaretsang go buisanela ditlhabololo. Lekoko la DA le makoko amangwe a ngadile kwa kopanong e e neng e kuilwe maabane. ANC ya re e tlile go ikuela kwa go mokhuduthamaga wa lefapha la dipuso-selegae Manketse Tlhape - go thapa motsamaisi wa nakwana wa Mmasepala. Tshwaelo le tsibogo ya gago ke eng ka ga seemo kwa Mmasepaleng ono wa Tlokwe? Romela tshwaelo le tsibogo eo ya gago mo tsebeng eno ya rona ya facebook ya "BORESETSE" kgotsa "MOEPENG MOSIMANEWAMOTLHAPING KOROGO." O ka letsa gape le mo 086 1000 666. Ammaruri re lebogela seabe sa gago mo BORESETSE - "Legae la gago la tshedimosetso e e tshepagalang mme e bile e ikanyega.
Posted on: Thu, 03 Oct 2013 04:12:19 +0000

Trending Topics




© 2015