BORESETSE:Mokgatlho wa Dignity SA o o emang nokeng ntlha ya go - TopicsExpress



          

BORESETSE:Mokgatlho wa Dignity SA o o emang nokeng ntlha ya go thusa motho go ipolaya wa re o tla tsitsinya kwa palamente gore ntlha eno e nne ka fa molaong. Seno ke go ya ka motlhami wa mokgatlho, e leng Professor kwa Universiting ya Western Cape, Sean Davison. Davison o ne a tshwarwa kwa New Zealand dingwaga tse nne tse di fetileng morago ga gore a thuse Mme wa gagwe go ipolaya gonne a ne a lwala thata mme e bile a le mo ditlhabing. Sesheng jaana go begwa fa Davison a thusitse ngaka nngwe ya Afrika Borwa go ipolaya ka Ngwanatsele mo ngwageng o o fetileng. A re utlwe maikutlo a gago tebang le ntlha eno ya go thusa batho go ipolaya. Romela tshwaelo ya gago ya Lamotlha-pitsong mo tsebeng ya rona ya facebook ya Boresetse kgotsa Moepeng Mosimanewamotlhaping Korogo, twitter: @moepengkorogo, email: address:[email protected] kgotsa o ka letsa mo 018-3897402 Ammaruri re lebogela seabe sa gago mo thulaganyong ya rona ya Boresetse - Legae la gago la tshedimosetso e tshepagalang mme e bile e ikanyega.
Posted on: Mon, 29 Sep 2014 03:25:37 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015