BORESETSE: Universiti ya North West e ntse e tlhagelela thata mo - TopicsExpress



          

BORESETSE: Universiti ya North West e ntse e tlhagelela thata mo bobega-dikgangenyeng ka ditiro tsa bosemorafe. Tona ya lefapha la thuto e kgolwane, Dr Blade Nzimande - o ne a tlhoma dipatlisiso mo universiting mme ga fitlhelwa fa bosemorafe kwa universiting bo le kwa godimo. Tona Nzimande gape o kaile fa dipatlisiso di bontsha fa dikhempase di le tharo tsa universiti di dira o kare di ikemetse. Motlatsa Mochanselara wa Universiti ya North West yo o sa tswang go ikanisiwa - Professor Dan Kgwadi a re maitlhomo a gagwe ke go fetola seo. University ya NorthWest ke sekai fela sa gore go bontsha fa go santse go nale kgwetlho mo go kopaneng baithuti ba basweu le bantsho kwa ditheong tsa thuto e kgolwane morago ga go kopangwa ga ditheo tseno. Re kopa go utlwa go tswa mo go wena gore o akanya gore go ka dirwa eng go ruanya baithuti ba bantsho le basweu mo ditheong tsa thuto e kgolwane morago ga gore dikopangwe? Romela tshwaelo ya gago ya Lamotlha-pitsong mo tsebeng ya rona ya facebook ya Boresetse kgotsa Moepeng Mosimanewamotlhaping Korogo, twitter: @moepengkorogo, email: address:[email protected] kgotsa o ka letsa mo 089-860 2233 Ammaruri re lebogela seabe sa gago mo thulaganyong ya rona ya Boresetse - Legae la gago la tshedimosetso e tshepagalang mme e bile e ikanyega.
Posted on: Wed, 01 Oct 2014 03:42:31 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015