DINTLHAKGOLO TSA BORESETSE MO MOSONG ONO : - TopicsExpress



          

DINTLHAKGOLO TSA BORESETSE MO MOSONG ONO : ********************************************************************* Mo thulaganyong ya Boresetse ya moso ono wa Labobedi, kgwedi ya Diphalane a le malatsi a le masome-a-mabedi-le-borobedi o ka solofela go utlwa...... 1. Bothati jwa bosekisi jwa bosetshaba, NPA - bo tlile go ikuela kgatlhanong le katlholo le kotlhao kgatlhanong le Oscar Pistorius...... 2. Mapodisi a tsweleditse dipatlisiso tsa tiragalo ya go bolawa ga motshwara-dino, Senzo Mewiya...... 3. Batsadi ba barutwana ba matriki kwa kgaolong ya Kudumane kwa profenseng ya Northern Cape ba tshwenyegile thata ka bokamoso jwa bana ba bone. 4. Makoko-kganetso kwa nageng ya Botswana - ba tsibositswe gore Botswana Democratic Party, BDP - e ka loga leano la go ba phatlhalatsa. 5. Motlhagisi Dukhule Ngcongolo o go matlafatsa ka tshedimosetso ya tsa ikonomi............ 6. Re go tlisetsa tsa maemo a bosa........... 7. Jaaka gale re matlafatsa Kitso-kakaretso ya gago mo Boresetse........ Ammaruri re lebogela theetso ya gago mo thulaganyong ya rona ya Boresetse - Legae la gago la tshedimosetso e e tshepagalang mme e bile e ikanyega
Posted on: Tue, 28 Oct 2014 03:29:32 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015