KGAFELA II O TLHAKALADITSE Kgosi kgolo ya Bakgatla kgosi - TopicsExpress



          

KGAFELA II O TLHAKALADITSE Kgosi kgolo ya Bakgatla kgosi Kgafela II o a be a tlhakaladitse kwa Aforika Borwa, bogosi o bo batla ka nkane o bua fa e le jwa gagwe bo mo itaya mo sehubeng bo mo latlhela kgakala. Kgang ya ga kgosi Kgafela jaanong e setse e le mo pitseng e e belang morago ga gore moatlhodi wa kgotla kgolo ya ditsheko ya North West Monico Leew a seegele fa thoko pele katlholo ya gore kgetsi eo e tsamaile jang. Kgafela o batla go lemogwa fa e le ene kgosi ya Bakgatla kwa Moruleng. Kgang e beke e e fetileng setswana se se kwenneng se ne sa bega ka yone, mme letsatsi leno ke tsweletso ya yone. Morago ga ngangisano e telele, Leeuw o ne a bolelela lekgotla gore o tlhakana le nako e telejana go dira katlholo mabapi le kgang e ya moruthutha. Mo godimo ga gore Kgafela o batla bogosi ka matlho a mahibidu, kgosi Kgafela gape o batla gape gore a nne le thata ya go ka tlhoma bogolo 60% ya maloko a khansele ya setso. Fa a ka fenya kgetsi e a e tlhatlhetseng, Kgafela o tla a ngangatlolola mo setilong kgosi yo o santseng a se ngaparetse Kgosi Nyalala Pilane mme a tsenye jalo kgosi Mpule Pheto. Lekgotla le ne la botsa kgosi Kgafela gore a o letleletswe pele go tsaya setilo kwa Aforika Borwa ke Bakgatla ba le dikete di le makgolo a marataro ba ba mo Botswana le kwa Aforika Borwa(300 000). Mmueledi wa ga kgosi Kgafela a direla ka fa tlase ga kompone ya bobueledi ya Mponya attorneys o tlhaloseditse lekgotla a sa bonye a re Bakgatla ba Botswana le Aforika Borwa ba batla Kgafela e nna ene kgosi ya kwa Moruleng. A re Bakgatla ba kile ba nna le dikhuduthamaga tse dintsi go nguna-nguna ka kgang e mme ba dumalana fa setilo se se molelo seo se lebanye rre Kgafela. E rile fa mmueledi wa ga Kgosi Nyalala a bolelela lekgotla, a re mo ditemaneng tsa molao Botswana le Aferika Borwa, lefoko kgosikgolo ga le tlhagelele gope. Moatlhodi mogolo o tlhalositse fa Kgafela a sa tlhole a lemogwa ke molao wa Botswana. I cannot rely on the information from Botswana, i will make my own ruling. A bua jalo moatlhodimogolo. Mmueledi wa ga kgosi Nyalala a re, Kgosi kgafela o ka bitswa kgosikgolo fela e le go supa tlotlo, e seng gore molao o mo lemoga e le kgosikgolo, ka jaana melao ya Aferika Borwa e sena lefoko kgosikgolo. A re kwa Aforika Borwa go lemogwa maemo a bogosi a le mararo fela e bong king,queen le chief le kgosana. A re kgosi selelo sa ga kgosi Kgafela sa go lelela bogosi ga se ka fa molaong ka jaana ga a ise a ke a fiwe setlankana sa bogosi ko Aforika Borwa ke ba Northwest Premier. I respect kgosi Kgafela, but he must know that you cannot be a crossboarder kgosi as there is no provision for that legally, if he wants to be a kgosi, he should follow the laws of this country. Ga bua jalo mmueledi wa ga kgosi Nyalala Pilane. #Setswana se se kwenneng
Posted on: Fri, 04 Jul 2014 07:00:21 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015