Nnyaa bagaetsho, seemo sa go thusiwa mo diofising tsa ga Goromente - TopicsExpress



          

Nnyaa bagaetsho, seemo sa go thusiwa mo diofising tsa ga Goromente ke se se kotase hela thata mo go thobaetsang mme ebile go swabisa nko go hetisa molomo. Ga se gone gore Motswana a sokole mo go kana kana, a emisiwe mme go ile go nowa ditee go dimo ga moo, a busiwe a tswa bokgakaleng ha ba bangwe ba sa kgone go kwala ka nako ka gore bodiredi bo lebetse di pampiri! Nako e ba le bantsi re e tsayang re emetse go bona thuso ke nako e rona re lathegelwang. Mme go sa pale sepe gore thuso e o ka e bona ka boheho wa bo o tswelela le tsa letsatsi. Se ke seemo se re tswanetseng ra ema ka dinao ra se kgala re menne phata re sa kgwe mathe!! Officers need to stop taking the tax payer for granted. I strongly believe it is not right to have to beg someone to deliver a service they are being paid to perform to the best of their abilities. Given that there are a lot of graduates who are roaming the streets jobless, how do we even begin to justify keeping employees who are unprofessional and do not take their jobs seriously!!??
Posted on: Mon, 19 Jan 2015 08:07:43 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015