SHUMBA RATSHEGA Some of the lyrics Re emeletse Mantsiboa, - TopicsExpress



          

SHUMBA RATSHEGA Some of the lyrics Re emeletse Mantsiboa, Ka nako ya boferabongwe Tota re ne reya Mahalapye, ka kgweetsa Nkuku Ka tsena mo koloing, ka bula lebati Kare ka kgweetsa nkuku, le ha ke ne ke sa itseee Ke sa tlwaela koloi ya gagwe, gore e chencha jang Ka heta Dibetse, ka kgweetsa nkuku A re ngwanaka, tota wa nkgweetsa Loso la monnamogolo, le mpolokile Loso la Monna yole, le mpereketse Ka nte ga re itse sepe, ga re tsena ha Mahalapye Ka dikologa circle, ka dikologa la bobedi Are iyhooooo iyoooo, are iyoooo ngwanangwanaka Tota wa nkgweetsa, o gaisa ramogoloago Ka chencha leotwana, ke sena le lengwe Ka tshwara tsala yame, tsala yame Bullete... A ntlela ka maotwana, a le mararo Ga re ke a ema, a re nnya nkgweetsa Ga ke tsena ko Palapye, ga kere ke a boa A re nyaya ngwanaka, a nthekela borotho A nthekela dirinki, a nthekela papapanyana Ka re ke boa ko Serowe, a re nnya ngwanaka A re hetele ko pele, tota w nkgotsohatsa Ka ruta nkuku go kgweetsa, a tshwara go kgweetsa Kare re lebe ko Maun, Ka mo ruta go kgweetsa Ka re tshwara ha, Nkuku a Tshwara ha, Kare leba kwa, Nkuku a leba Batho ka kgweetsa Nkuku, gareng ga masigo Re Kgaogana ko Maun, a sa batle go mpuisa Le nna ke lapile, tota ke sa mmatle Ke thusitse Nkuku, a mpha dibeche A re ngwanaka, o phala ramogolago Le nna Ke a dumela, ee ke kgweeditse Nkuku, A neng a huhula, A nwa metsi kgapetsa kgapetsa, A ikakatela ka nna, A utlwa PHOLOGOLO!
Posted on: Wed, 30 Oct 2013 14:39:49 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015