lekgaola Tshega o goroga ko sepotong a rwele mmokha o monte - TopicsExpress



          

lekgaola Tshega o goroga ko sepotong a rwele mmokha o monte blind, laiti ye o ntse a nna ko Dithareng mo kgoteng ya dikala. Ntsalae o bereka gone mo NtLong mo komponeng e nngwe ya Lekgwiwa gatwe Varenda e aga mato. Lekgaol Tshega o sa tswa go swetsa dithuto tsa gagwe tsa bosupa gone ko Dithareng mo sekolong sa Letharapa Premare. ke letsatsi la borataro a ntse a le mo Ntlong a leka go bata tiro mme ere tsatsi le letsatsi a ya ko sepotong a ya go aketsa batho a ba nwela bojalwa a bo a kolota ka leina la ga ntsalae ebong Batho Baa Tshega. Tsatsi jeno are o rekile sethako se se turang ba mo thuse ka go mo rekela, kagore madi a gagwe a heletse mo sethakong se se tswang Moseeja. Morago ga di oura Dihera boraro go goroga Batho Baa Tshega, ema ka terata a beile diata mo go yone. Heela rra, tsamaya hela o ye go rola mmokha oo, ke o reketse go ya lenyalong la ga mmgwe ngwanake wa ntha ko Ditapoleng mmasepoto ke ha a atamela. Rra ere pele ha o ya go nyadisa mmagwe ngwana wa gago, o bo o duetse bojalwa jo o ntseng o bo kolota Nna ke kolota bojalwa? ga botsa Batho Baa Tshega.Ee akere Lekgaola Tshega o ntse a nwa bojala ha, o bo mo kolotela mma sepoto a taleletsa. NNA?Batho Baa Tshega o a botsa, a bo a bua a lenosi.Ao batho ke ka kolota bojalwa le go nwa ke sa nwe, O bua jaana a inamisitse thogo, O a e tsosa a bo a lebagana le ntsalae, Waitse wena o senya leina la goo rra Tshega, batho ebile baa re tshega, ke ipotsa gore ke eng one o sa bitswe Lekgaola Seven, ka rrago o fana ka Seven, o heditse standard seven mme ga o bate tiro, o bata re bua le wena jang ne monna? o a tswelela, Tsamaya o ye go rola mmokha oo, oo tatsa lerole Lekgaola tshega kana o a thathaekela ke go nna batho ba ta go bona mmokha ba duela ka bojalwa, ha a riana ke ha a kgopiwa a thathaekela dinao tsagawe di kgaogana le lengwe le ya kwa le lengwe kwa, Batho Baa Tshega ke ha rwele diata mo thogong a sa bate go bona, a eletsa hela gore ere ha dinao tsa gagwe di kgaogana jaana mmokha o seka wa kopana le sepe se se ka o kgobolang kana wa kgagoga, nnyaa ke ha a kgona go itshesela sente, kante ntsa e sale e tswa kwa e ta e siane e bona motho a thathaekela e ipotsa gore go diragalang, gongwe go a lowa ka ha e itse Lekgaola Tshega sente, ke ha e tshwara mmokha wa moja e o ngangatela, Batho BaaTshega ke ha a heletswe a lela hela, a utwela mmokha bothoko, Lekgaola Tshega ene a ntse are fotseke, e areng ntsa e ya mokgerwa, e areng, Mgodoi yone ke ha e sena sepe, kooteng e ntse ere Mthaka yo ke a mo loma are ke Mkgerwa ke bidiwa Mgodoi nna kana e akanya jaana e itsetsepela mo mmung ka maroo a ko pele, Sthako sone ke ha se ntse sere batho ba modimo tsatsi jeno ke rwelwe ke ohe yoo ntumisang dintsa? kana rra ke ha se eta se akgiwa gotwe go leka go raga Mgodoi, leino lone le tsetsepela mo khoneng le phunya, le ntse lere He mthaka ga a itse tiro yame sente, mo ga se sepe ke thola ke lwa le Marapo, ke ta phunya ke ba ke kgoma lenao kgantele ke ha Lekgaola Tshega a simolola go goa. batho nthuseng ke longwa ke ntsa ke ha e lesa Mgodoi e sia e ipotetsa ka nto, kana jaanong mmokha o phunyagile ebile Lekgaola Tshega o tswa madi, ke ha a tswa mo spotong a sala ntsalae morago ba lela, yo mongwe a lelela mmokha, yo mogwe a lomilwe ke ntsa, Masepoto ke ha areija batho baa Tshega ba bo ba ka bata go re bontsha smeche. Ele Tonnie Wa ga Sefako.
Posted on: Tue, 05 Nov 2013 19:31:55 +0000

Trending Topics



Recently Viewed Topics




© 2015